3 TSN Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e. BSB BSB: Therefore, having carefully investigated everything from the beginning, it seemed good also to me to write an orderly account for you, most excellent Theophilus,
4 TSN Go lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng. BSB BSB: so that you may know the certainty of the things you have been taught.
6 TSN Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong. BSB BSB: Both of them were righteous in the sight of God, walking blamelessly in all the commandments and decrees of the Lord.
7 TSN Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata. BSB BSB: But they had no children, because Elizabeth was barren, and they were both well along in years.
8 TSN Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo. BSB BSB: One day while Zechariah’s division was on duty and he was serving as priest before God,
10 TSN Ka lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa. BSB BSB: And at the hour of the incense offering, the whole congregation was praying outside.
11 TSN Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile. BSB BSB: Just then an angel of the Lord appeared to Zechariah, standing at the right side of the altar of incense.
13 TSN Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane. BSB BSB: But the angel said to him, “Do not be afraid, Zechariah, because your prayer has been heard. Your wife Elizabeth will bear you a son, and you are to give him the name John.
14 TSN Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona. BSB BSB: He will be a joy and delight to you, and many will rejoice at his birth,
15 TSN Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa! BSB BSB: for he will be great in the sight of the Lord. He shall never take wine or strong drink, and he will be filled with the Holy Spirit even from his mother’s womb.
16 TSN Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe. BSB BSB: Many of the sons of Israel he will turn back to the Lord their God.
18 TSN Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.” BSB BSB: “How can I be sure of this?” Zechariah asked the angel. “I am an old man, and my wife is well along in years.”
19 TSN Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a! BSB BSB: “I am Gabriel,” replied the angel. “I stand in the presence of God, and I have been sent to speak to you and to bring you this good news.
20 TSN Mme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.” BSB BSB: And now you will be silent and unable to speak until the day this comes to pass, because you did not believe my words, which will be fulfilled at their proper time.”
21 TSN Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile. BSB BSB: Meanwhile, the people were waiting for Zechariah and wondering why he took so long in the temple.
22 TSN Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse. BSB BSB: When he came out and was unable to speak to them, they realized he had seen a vision in the temple. He kept making signs to them but remained unable to speak.
23 TSN Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae. BSB BSB: And when the days of his service were complete, he returned home.
24 TSN Ka bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano. BSB BSB: After these days, his wife Elizabeth became pregnant and for five months remained in seclusion. She declared,
25 TSN “A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!” BSB BSB: “The Lord has done this for me. In these days He has shown me favor and taken away my disgrace among the people.”
27 TSN kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide. BSB BSB: to a virgin pledged in marriage to a man named Joseph, who was of the house of David. And the virgin’s name was Mary.
28 TSN Gabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!” BSB BSB: The angel appeared to her and said, “Greetings, you who are highly favored! The Lord is with you.”
29 TSN Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya. BSB BSB: Mary was greatly troubled at his words and wondered what kind of greeting this might be.
30 TSN Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata. BSB BSB: So the angel told her, “Do not be afraid, Mary, for you have found favor with God.
31 TSN Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’ BSB BSB: Behold, you will conceive and give birth to a son, and you are to give Him the name Jesus.
32 TSN O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide. BSB BSB: He will be great and will be called the Son of the Most High. The Lord God will give Him the throne of His father David,
33 TSN O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!” BSB BSB: and He will reign over the house of Jacob forever. His kingdom will never end!”
35 TSN Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo. BSB BSB: The angel replied, “The Holy Spirit will come upon you, and the power of the Most High will overshadow you. So the Holy One to be born will be called the Son of God.
36 TSN Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe! BSB BSB: Look, even Elizabeth your relative has conceived a son in her old age, and she who was called barren is in her sixth month.
37 TSN Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.” BSB BSB: For no word from God will ever fail.”
39 TSN Morago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha. BSB BSB: In those days Mary got ready and hurried to a town in the hill country of Judah,
41 TSN Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo. BSB BSB: When Elizabeth heard Mary’s greeting, the baby leaped in her womb, and Elizabeth was filled with the Holy Spirit.
42 TSN A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo. BSB BSB: In a loud voice she exclaimed, “Blessed are you among women, and blessed is the fruit of your womb!
43 TSN Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone! BSB BSB: And why am I so honored, that the mother of my Lord should come to me?
44 TSN Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo! BSB BSB: For as soon as the sound of your greeting reached my ears, the baby in my womb leaped for joy.
45 TSN O dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.” BSB BSB: Blessed is she who has believed that the Lord’s word to her will be fulfilled.”
47 TSN Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki! BSB BSB: and my spirit rejoices in God my Savior!
49 TSN “Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo. BSB BSB: For the Mighty One has done great things for me. Holy is His name.
50 TSN Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang: BSB BSB: His mercy extends to those who fear Him, from generation to generation.
51 TSN “Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang. BSB BSB: He has performed mighty deeds with His arm; He has scattered those who are proud in the thoughts of their hearts.
52 TSN O digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng. BSB BSB: He has brought down rulers from their thrones, but has exalted the humble.
53 TSN O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe. BSB BSB: He has filled the hungry with good things, but has sent the rich away empty.
54 TSN Ebile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko. BSB BSB: He has helped His servant Israel, remembering to be merciful,
55 TSN “Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.” BSB BSB: as He promised to our fathers, to Abraham and his descendants forever.”
56 TSN Marea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe. BSB BSB: Mary stayed with Elizabeth for about three months and then returned home.
57 TSN Ka nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane. BSB BSB: When the time came for Elizabeth to have her child, she gave birth to a son.
58 TSN Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela. BSB BSB: Her neighbors and relatives heard that the Lord had shown her great mercy, and they rejoiced with her.
59 TSN E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe. BSB BSB: On the eighth day, when they came to circumcise the child, they were going to name him after his father Zechariah.
60 TSN Mme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!” BSB BSB: But his mother replied, “No! He shall be called John.”
61 TSN Mme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.” BSB BSB: They said to her, “There is no one among your relatives who bears this name.”
62 TSN Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla. BSB BSB: So they made signs to his father to find out what he wanted to name the child.
63 TSN Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!” BSB BSB: Zechariah asked for a tablet and wrote, “His name is John.” And they were all amazed.
64 TSN Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo. BSB BSB: Immediately Zechariah’s mouth was opened and his tongue was released, and he began to speak, praising God.
65 TSN Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea. BSB BSB: All their neighbors were filled with awe, and people throughout the hill country of Judea were talking about these events.
66 TSN Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.” BSB BSB: And all who heard this wondered in their hearts and asked, “What then will this child become?” For the Lord’s hand was with him.
67 TSN Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng: BSB BSB: Then his father Zechariah was filled with the Holy Spirit and prophesied:
68 TSN Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse. BSB BSB: “Blessed be the Lord, the God of Israel, because He has visited and redeemed His people.
69 TSN O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide, BSB BSB: He has raised up a horn of salvation for us in the house of His servant David,
70 TSN fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng BSB BSB: as He spoke through His holy prophets, those of ages past,
71 TSN gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang. BSB BSB: salvation from our enemies and from the hand of all who hate us,
72 TSN “O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene, BSB BSB: to show mercy to our fathers and to remember His holy covenant,
74 TSN le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona. BSB BSB: deliverance from hostile hands, that we may serve Him without fear,
75 TSN Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng. BSB BSB: in holiness and righteousness before Him all the days of our lives.
76 TSN “Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia. BSB BSB: And you, child, will be called a prophet of the Most High; for you will go on before the Lord to prepare the way for Him,
77 TSN O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe. BSB BSB: to give to His people the knowledge of salvation through the forgiveness of their sins,
78 TSN Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela. BSB BSB: because of the tender mercy of our God, by which the Dawn will visit us from on high,
79 TSN Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.” BSB BSB: to shine on those who live in darkness and in the shadow of death, to guide our feet into the path of peace.”
80 TSN Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele. BSB BSB: And the child grew and became strong in spirit; and he lived in the wilderness until the time of his public appearance to Israel.